Kagego ya padi ya <em>Phitlhelelo kwa setlhoeng</em> ya ga J Malao

Research Article

Kagego ya padi ya Phitlhelelo kwa setlhoeng ya ga J Malao

DOI: 10.1080/02572117.2022.2139941
Author(s): Richard Lepheti Moloele Sol Plaatje University, South Africa

Abstract

Padi le kgankhutshwedi batlile go bopega ka mokgwa o o tshwanang. Kgankhutshwe e ngangegile thata go gaisa padi. Seno se dirwa ke gore mopadi o na le nako ya go tlhalosa ditiragalo ka tsenelelo, mme ga a gapelediwe ke sepe go ngotla tiriso ya mafoko, mme mokwadi wa kgankhutshwe ena, o eta a nna bofitlha. Patlisiso e, e leba ka moo padi Phitlhelelo kwa Setlhoeng e agilweng le ka moo e tsamaelanang le diponagalo tse di farologaneng tsa padi ka gona. Ditiragalo le diponagalo di tla tlhalosiwa go lebilwe ka moo ditiragalo di phuthologang ka gona. Sa botlhokwa ke go tlhola gore a padi e, e kgotsofatsa ditlhokego tsa go nna padi e e kwalegileng sentle, e e tseetsweng matsapa. Mokgwapatlisiso o o dirisitsweng mo patlisisong e, ke wa naratholoji. Padi e, ga e a tlala thata go nna padi, bogolo e ka nna patsana gonne ditsejwana tsa yona di mokawana. Se sengwe ke gore mokwadi o kgonne go ntsha bokgoni jwa gagwe gonne patsana e, e na le diponagalo tsotlhe tse di agang padi.

Get new issue alerts for South African Journal of African Languages